News

𝐌𝐌𝐄 𝐁𝐀𝐒𝐇𝐀𝐋𝐄 𝐂𝐇𝐈𝐁𝐎𝐋𝐄 𝐎 𝐀𝐌𝐎𝐆𝐄𝐓𝐒𝐄 𝐌𝐏𝐇𝐎 𝐘𝐀 𝐏𝐎𝐎

Tautona Dr. Mokgweetsi Eric Masisi o abetse Mme Bashale Chibole mpho ya poo ya Brahman mosong ono kwa morakeng wa Toromoja mo kgaolong ya Boteti West.

Fa a abela Mme Chibole mpho ya gagwe, Tautona Masisi o rurufaditse fa poo eo e le ya boleng jo bo kwa godimo (Pedigree Stud Brahman), e tlhatlhobilwe ebile e le mo seemong se se siameng sa botsogo. O ne a tswelela ka go bega gore mpho e, ke tsela ya go rotloetsa Mme Chibole mo go tsa thuo jaaka fa ba lephata la Temo Thuo ba boletse fa Mme Chibole a tshwere ka natla, a kenta ebile a tipa dikgomo tsa gagwe ka nako e e tshwanetseng. Tautona Masisi o ne a tlhalosa gore poo e e abilweng e tla thusa go tsholetsa boleng jwa dikgomo tsa ga Mme Chibole, ga mmogo le gore a kgone go itshedisa le ba lelwapa la gagwe.

Tautona Masisi o tlhalositse fa lenaneo le le setse morago tsetlana e e mo lenaneong la TebeloPele ya Sechaba ya 2036 (Vision 2036) Chaba e atlegileng, e e naleng itsholelo ya sennela ruri. Tautona o ne gape a kgothatsa Mme Chibole go tswelela a tshwere ka natla, a bo a mo kopa gore mo isagong, a ikopanye le ba Lephata la Temo Thuo gore ba mo thuse go abela mongwe morui ka ene mo kgaolong ya gagwe.

Mme Chibole o thusitswe ka lenaneo la ALDEP ka ngwaga wa 2007 mme a fiwa dikgomo tse thataro (6) tse a neng a di tlhokomela ka go di kenta le go di tipa jaaka bakenti ba laetse. Mo ngwageng ono wa 2023, Mme Chibole o atlegile ka dikgomo di le 57, mme o ne a kgona go tsenya motlakase mo lapeng la gagwe Ka thuo ya dikgomo.

Related Articles

Back to top button