News

𝐁𝐎𝐓𝐒𝐖𝐀𝐍𝐀 𝐎 𝐓𝐒𝐖𝐀 𝐌𝐀𝐋𝐀𝐖𝐈 𝐓𝐇𝐔𝐒𝐎

Motshwarelela Tautona Motlotlegi Rre Slumber Tsogwane o phaketse a amogetse le go bolotsa dilwana tsa bopelotlhomogi go ya lefatsheng la Malawi morago ga gore lefatsheng le welwe ke seru sa dipula tse di gosomaneng di bakilwe ke setsuatsuwe SA Freddy (Cyclone Freddy). Setsuatsue se, se bakile tshenyo mo mafelong a a farologaneng a lefatshe la Malawi.

Motlotlegi Tsogwane o ne a tlhalosa gore mo bekeng e e fetileng Motlotlegi Kabo Morwaeng le Motlotlegi Kagiso Mmusi ba ne ba etela Lefatshe la Malawi mo boemong jwa ga Tautona le Batswana go ya go tlhola seemo sa batho le lefatshe la Malawi. O supile fa ba ne ba tla ba tlhalosa fa setsuatsuwe sa Freddy se ne sa thololela seretse mo ditlhareng sa bo sa thuba le go senya mantlo a banni ba Malawi.

Rre Tsogwane o tlhalositse gore batho ba akaretsa makgolo a matlhano (500) ba latlhegetswe ke botshelo, fa ba le makgolo a mararo(300) ba sa bonwe mme diketekete (hundred of thousands) ba latlhegetswe ke bonno jwa bone.

Motshwarelela Tautona o tlhalositse gore morago ga dipatlisiso tse, Tautona Masisi o ne a tlhaba mokgosi go kopa dithuso mo Batswaneng le bagwebi ba ba ikemetseng bogolo jang ba mabenkele a dijo (wholesales) go thusa ka dijo tse di farologaneng, didirisiwa tsa go tlhapa (toiletry) le tse dingwe. Rre Tsogwane o tlhalositse gore Lefatshe la Botswana le ema mafatshe a mangwe nokeng a a wetsweng ke mathata ka go tsenya letsogo go thusa ka gotlhe mo go ka kgonegang go fokotsa manokonoko a seru se se ba wetseng.

Motlotlegi Slumber Tsogwane o ne a tlhalosa gore thuso ya ntlha ya selekanyo sa 21 tonnes e isiwa gompieno mme go santse go kgobokanngwa dilwana le dijo tse dingwe gore di tle di iswe go thusa.
Rre Tsogwane o ne a tswelela ka go tlhalosa gore bontlha bongwe jwa Lefatshe la Mozambique le amilwe ke setsuatsuwe se, le gore dipego Di supa ha batho ba le masome a matlhano ba latlhegetswe ke botshelo.

Related Articles

Back to top button