News

πŠπ„π‘π„πŠπ„ π˜π€ π’π€πˆππ“ π‰πŽπ‡π 𝐄 πˆππ„π‹π„π‹π€ ππŽπ†π€πŠπ€ 𝐉𝐖𝐀 𝐆𝐀 πŒπŒπ€ π’πˆπ–π„π‹π€

Motlotlegi Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane o ne a tsene tirelo ya kereke ya Saint John Apostolic Faith Mission mosong ono mo Mahalapye. Kereke e ne e lemoga ebile e ipelela bodiredi jwa dingwaga tse di masome a marataro le boraro jwa ga Mme Sematho Siwela mo kerekeng.

Mothusa Tautona fa a tswa la gagwe, o lebogetse Mme Siwela go ineela mo tirong ya Modimo, o bile a mo lebogela go phatsimisetsa sechaba lebone le Modimo a le mo fileng. Rre Tsogwane o tlhalositse gore Modimo o file batho dineo ka go farologana, mme a rotloetsa gore go ithutiwe mo botsading jo bo tshwanang le Mma Siwela.

Motlotlegi Mothusa Tautona o kopile sechaba go nna mowa o le mongwe go rapelela Kagiso mo lefatsheng la Botswana, a re fa sechaba se ka kopanela thapelo Modimo o tlaa araba.

Moeteledi Pele wa kereke Bishop Johnson Mokgopo fa a amogela baeng, o kopile Mothusa Tautona gore Puso e sekaseke seelo se dikereke di se duelang Puso, a supa fa seelo se se okeditswe mme se babalela dikereke. A re dikereke ke tsone tse di thusang mo kgodisong ya bana go hema botlhoka tsebe, ka jalo fa di ka tswalwa seemo se ka tswa mo taolong.

Related Articles

Back to top button