News

𝗕𝗔𝗧𝗦π—ͺ𝗔𝗑𝗔 𝗕𝗔 π—žπ—šπ—’π—§π—›π—”π——π—œπ—ͺ𝗔 π—šπ—’ π—§π—¦π—›π—˜π—£π—›π—” π— π—’π——π—œπ— π—’

Motshwarelela Tautona Motlotlegi Slumber Tsogwane o tlhotse a kopane le Batswana ko lebaleng legolo la Difofane mo Gaborone go amogela Batswana ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka kotsi ya Koloi mo malatsing a paseka ko Afrika Borwa.

Fa a kgothatsa batsadi le Batswana ka kakaretso, Motlotlegi Tsogwane o ne a ba kopa gore ba itshegetse ka tumelo mme ba sale ditaelo tsa modimo morago. Motlotlegi o ne a gakolola gore masika a tlhokafetse ba le mo tumelong, ka jalo ba tseye kgomotso mo goreng mo modimong ga gona leso mme batsadi ba le bana ba mo moletelelong wa tsogo.

Mothusa Tautona o itsisitse sechabba fa go nnile le kotsi e nngwe ya koloi e mo go yone banni ba lefatshe la Afrika Borwa ba ne ba latlhegelwa ke matshelo ba le mo Botswana. A re dithulaganyo di tla dirwa go thusana le ba lefatshe la Afrika Borwa go netefatsa gore tsotlhe tse di tlhokafalang go isa Baswi ko Lefatsheng la Afrika Borwa di a diragala.

Motlotlegi Rre Tsogwane o lebogile fatshe la Afrika Borwa go menagane ka tsotlhe dithuso tse ba di fileng Botswana go netefatsa gore Baswi ba goroga mo gae ka pabalesego le seriti se se maleba.

Moemedi wa lefatshe la Afrika Borwa mo Botswana Mme Thaning Shope-Sournah o ne a leboga goromente wa Lefatshe la Botswana le la Afrika Borwa ka kemo nokeng e e filweng masika a a tlhokafaletsweng. O ne a tlhalosa gore Batswana ba tswa kgakala ba eme ma Afrika Borwa nokeng le go ba lebogela go ba sireletsa ka nako tsa mmuso wa tlhaolele.

Related Articles

Back to top button